Está en la página 1de 15

LELATLHELWA

lelatlhelwa ke karolo ya puo e e dirisiwang go


tsibosa. Ke sone se nako e nngwe le bidiwang
letsibosi. Letsibosi le dirisiwa go tsibosa batho
kgotsa diphologolo mo puong.
DIKAO
 Kibi! A etswe mo ntlong e tloga e senya.
 Owaii! O a bo o re o ka betsa mang o sa
nonofa jaana?
 Nnyaa! Ga ke ise ke dumalane le ene.
 Aoo! Mosadinyana wa batho o golafaditswe ke
khuti ya matlakala.
Mefuta ya malatlhelwa
Malatlhelwa a ka kgaoganngwa ka mefuta e le
meraro e leng
malatlhelwa a tlholego; malatlhelwa a a tswang
mo dikarolong
tse dingwe tsa puo; le malatlhelwa a seka-taelo.
1. Malatlhelwa a tlholego

 E-e! Ga ke a tla maaabane.


 Aa! O montle jang ne mma.
 Puraa! A di tle go tsena mo lesakeng.
 Bii! Thusang ntlo ya me e a ša.
2. Malatlhelwa a a tswang mo
dikarolong tsa puo
 Wena! O tlaa bolawa ke batho fa o sa
itlhokomele.
 Monna! E gaketse pula ya monogwaga.
 Mothusi! Tlogela go tshameka ka metsi.
3. Malatlhelwa a seka taelo


Ke gone! Tlholang sentle.
 Bagaetsho! Ke tlile go lo lekola.
 Tsela tshweu! O tsamaye ka pula morwarre.
 Tebogo wee! Mme o a go bitsa.
 Nkadime ditlhako tseo tlhe!
Tiriso / bokao jwa malatlhelwa Malatlhelwa a ka
dirisiwa go supa maikutlo a a farologaneng.

1. Go dumela kgotsa go dumalana


 Ee! Ke rata thata fa o bua jalo.
 Autlwa hee! Ka na ke itsile gore fa e le wena go tlaa
kgonagala.
2. Go ganetsa kgotsa go sa dumalane
 Nnyaa! Ga ke batle go reka dikgomo gompieno.
 E-e! Batho ba ba batla go re tsietsa!
 O! O batla go sala o ntima ke ile go tshameka?
3. Go nyatsa
 Owaai! Setlhopha sa lona ke magogorwane wa bofelo.
 Okh! E kare o koafetse jaana o bo o re o ka belega
ngwana.
4. Go gakgamala
 Aa! Ke ne ke sa lemoge gore o montle jaana.
 Thaka! Kgomo e e kgona go tlola terata e telele jaana?
5. Go kopa thuso
 Ijoo! Ke tlhasetswe ke magodu.
 Bii! Batho nthusang ntlo ya me e tsewa ke diphefo
6. Go utlwa setlhabi
 Iši! Mutlwa o ntlhabile mo leotong.
 Tshutshu! Ke gatile legala le le molelo.
7. Go belaela sengwe
 Ao! A o raya gore dipodi di tla goroga tota?
8. Go utlwela botlhoko
 Aoo! Tonki ya Modimo e bolailwe ke koloi.
9. Go tlotla motho yo mongwe
 A re bo kgaogane kgabo!
 Dumela kwena!
10.Go buisa batho
 Bagaetsho! Ke tla a ema go le kalo gore lo botse dipotso.
 Batho betsho! Lekgotla la borre mabapi le HIV/AIDS (Men
sector) le eme ka dinao.
Leetsi
Leetsisi ke karolo ya puo e e dirisiwang go etsa dilo
tse difarologaneng. Le lone fela jaaka lelatlhelwa le
senola maikutlo mme go gatelelwa bokao jwa ka fa
dilo di diragalang ka teng kgotsa di lebegang ka
teng.
DIKAO
 Setlhare se ne sa re kgwaaa! Fa se robiwa ke diphefo tsa
matsubutsubu.
 Re sa le re bona kgomo e re piriga! Mo sakeng fa
tlhobolo e sena go lela.
 Tlhaga e medile e bile naga e ntse e re tala!
Maetsi a a farologaneng
1. Maetsisi a go boelediwang dinoko
 Noga e ne ya re lelelele! Mo mosimeng.
 Utlwa kodu ya maru jaaka a ntse a re tididitididi! Go
raya gore pula e tlaa na.
 Pula e ntse e re sarasara! Kwa ntle.
2. Maetsisi a go lelefadiwang modumo wa bofelo.
 Matlho a gagwe a rile hubee! E kare o gasitswe tšhilisi.
 Keitheile o rile tuu! Ke belaela gore o akanya thata
Tiriso ya leetsi
Leetsi le ka dirisiwa go etsa modumo, tiragalo le tebego ya dilo tse di
farologaneng.
1. Leetsisi le etsa modumo.
 Ke eng se se reng ruthu! Ka fa morago ga ntlo?
 E rile phala e re tshwerrr! Ba betsega ka lobelo lo logolo.
 Fa o utlwa go ntse go re šwaaaa! Jaana, go raya gore molapo o tletse.
2. Leetsisi le etsa tiragalo
 E ne ya re re atamela boSelefo ba re nyele! Re ntse re ba lebile.
 Mmutle o ne wa re betse! Ka lobelo fa o bona dintsa.
 Go ne ga re gatse! Fa dirukutlhi di tsena ka kgoro ya marekisetso.
 Legadima le ne la re phatsi! Mme ga latela go thunya ga maru.
LESUPI
Go na le mefuta e le meraro ya lesupi,e bong:

Lesupi la ntlha
Lesupi la bobedi
Lesupi la boraro

Mefuta e ya lesupi e farologana go ya ka maemo


kgotsa sekgala sa selo se se sutswang,go tloga fa
mmuing.

También podría gustarte